Revelation of John 10

Morongwa yo o tswang legodimong a tshotse lokwalo

1Hong ka bona moengele yo mongwe yo mogolo a fologa kwa legodimong, a dikaganyeditswe ke leru, mme motshe wa godimo wa bo o le mo tlhogong ya gagwe; sefatlhogo sa gagwe se phatshima jaaka letsatsi le dinao tsa gagwe di gadima jaaka molelo. 2Mme a tsholetsa lokwalonyana ka seatla lo menolotswe. A tlhoma lonao lwa gagwe lo logolo mo lewatleng mme lwa molema a lo tlhoma mo lefatsheng, 3mme a goa thata, mme go goa ga gagwe go ne go utlwala jaaka go duma ga tau, mme ditumo di supa tsa araba.

4Ke ne ke tloga ke kwala se ditumo tsa maru di neng di se raya fa lentswe le le neng le tswa legodimong le mpitsa le re, “O se ka wa dira jalo. Mafoko a tsone ga a tshwanela go senolwa.”

5Hong moengele yo mogolo yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng a tsholeletsa letsogo la gagwe le legolo kwa legodimong, 6mme a ikana ka ene yo o tshelang ka bosakhutleng, yo o dirileng legodimo le sengwe le sengwe se se mo go lone le lefatshe le tsotlhe tse di leng mo go lone le lewatle le tse di nnang mo go lone, gore go se ka ga nna le tiego epe, 7mme e tlaa re moengele wa bosupa a letsa torompeta ya gagwe, hong leano la Modimo le le sa leng le siregile ka dingwaga-ngwaga go simologa ka nako e le neng le bolelwa ke batlhanka ba one ebong baporofiti, le tlaa diragadiwa.

8Hong lentswe le le tswang legodimong la bua le nna gape la re, “Tsamaya o ye go tsaya lokwalo lo lo sa menololwang mo moengeleng yo mogolo yo o emeng mo lewatleng le mo lefatsheng.”

9Jalo ka mo atamela ka mo kopa go nneela lokwalo. Mme a nthaya a re, “Ee,” lo je, “lwa ntlha lo tlaa utlwala jaaka dinotshe, mme fa o lo metsa, lo tlaa dira mpa ya gago bogalaka!”

10Jalo ka lo tsaya mo letsogong la gagwe ka lo ja! Mme fela jaaka a buile lo ne lwa nna monate mo ganong la me lwa ntshegisa mala fa ke lo metsa. 11Mme a nthaya a re, “O tshwanetse go porofeta thata batho kaga batho ba le bantsi, merafe, le dikgosi.”
Copyright information for TsnLEF